Dumelang, MaWikipedia (Hi Wikipedians) Leina la me ke Motswalle (My name is Motswalle, which means friend). Sefane sa me ke Kanyane, ka lenyalo (My surname is Kanyane, by marriage). Ke tlhogonolofaditswe ka basimane ba le babedi, Kagiso le Kabelo (I am blessed with two sons Kagiso (Peace)and Kabelo(Given). Ka bona, ka tlhogonolofatswa ka ditlogolwane di le tlhano, basimane ba le bane le mosetsana a le mongwe (By them, I am blessed with five grandchildren, four grandsons and one granddaughter).

Ke belegetswe ka ba ka golela kwa Marapyane, Schildpadfontein, profentsheng ya Mpumalanga, Aforika Borwa (I am born and bred in Marapyane, Schildpadfontein, in the Mpumalanga Province, South Africa).

Ke alogile lokwalo lwa Master Degree in Comparative Education (ka ditlhora) Unibesiting ya Aforika Borwa (I graduated a Master Degree in Comparative Education(cum laude)with the University of South Africa (UNISA).

Fa ke ne ke dira jaaka Language Cross-Cultural/Hommestay Coordinator ya the US Peace Corps/South Africa, ke ne ka kwala-mmogo le Gary M Wederspahn Boto ya Motshamekiso jaaka e le sediriswa go ruta le go tlhatlhoba kitso ya Baithaopi-Barutwana ba US Peace Corps/South Africa, mekgwa, dingwao le meetlo ya seAforika Borwa ka go fapafana ga yona (I co-authored a Board Game in teaching local cultures with Gary M Wederspahn for the US Peace Corps/South Africa as a tool to assess the language aquisiton of Peace Corps Volunteers/Trainees). Yona e ka fitlhelwa mo go (It can be found in) Board Games Teach Local Cultures, Volume 11 Issue 2: January 1998.

Ka jaanong ke dira jaaka Language Resource Development Coordinator mo go Academy of African Language and Science (AALS) mo Kholetsheng ya Graduate Studies (CGS) Sekolong sa Interdisciplinary Research and Graduate Studies (SIRGS), ke kwalolola e bile ke tlhalosa dikwalo tsa Seisimane ka Setswana (As Language Resource Development Coordinator in the Academy of African Language and Science (AALS) in the College of Graduate Studies (CGS) in the School of Interdisciplinary Research and Graduate Studies (SIRGS), I translate and interpret Wikipedia articles from English to Setswana and its varients).

Ke a le leboga (Thank you)

Motswalle Christina Kanyane